05 March 2012

‘Kgosi Leruo Molotlegi o tshwarisitse bana ba Luka’

The 13 arrested appeared briefly on Friday 02 March 2012. They were remanded back in custody to reappear again on the 07th March for bail application. Bail is estimated at R1000 a person. ‘Kgosi’s actions instigated the arrests’.

‘E rile rele ko logato ka mantaga wa 27 Tlhakole 2012 reile go batla dikarabo tsa dikopo tsa rona tsa ngwaga oo fetileng ka Sedimonthole, Magosi Tumagole le Kenny Mokate ba re Kgosi a ka se re bone. Ba bua gore ebile bona gaba dire ka tsa ko mmaeneng’, go anela motha wa ko Luka ka khutsafalo, mo kopanaong e eneng e rulagantswe go atlhatlha go tshwariwa ga bana ba Luka ke masecurity le mapodisa a Phokeng ka Labone wa 01 Mopitlwe.

‘Ka labobedi raya ko Civic Centre go ya go batla goitse gore Bafokeng ba dira eng gore bana ba Luka ba thapiwa ke meepo. Kenny Mokate a baya mogala mo loudspikareng gore reikutlwele karabo ya Impala. Mm wa ko Impala o buile straight are Impala eka se hiri bana ba ko Luka. Ka Labone bana ba dirile se ba se dirileng, ba paraga matseno a Luka’.

‘Ge Kgosi a kabe a direla morafe, bana ba kabo ba sa gwanta batshariwa. Mme ebile baabedi ba bona ba pregnente’. Ba ba tshwerweng ba tlhageletse fa pele ga Magistrata ka labotlhano 02 Tlhakole mme kgetse ya bona ya busetswa morago. Bana ba boetse thankaneng mme ba tla tlhagelele gape ka laboraro wa beke e e latelang go tla go kopa beili.

Baagi ba ne ba tṥhakgeletse ketedipele ee bokowa ya motse. ‘Ge ketedipele e e itshwere yaana, ga gona ka moo e ka fenyang meepo. Moepo wa Impala ge o kare o go bona o kare o botlhalenyana, ya go tsaya e go ntsha mo baaging, that’s why re tlhola re sena ketedipele e e nonofileng. Mmaene wa re tella. O tlabe wa tsamaya re sa tshwara sepe’.

Morago ga go badiwa ga di memorandum tsa motes tsa May 2003 le January 2010 tse di amogetsweng ke meepo, baagi ba ne ba rulaganya go kolekiwa ga madi a beili ya ba ba tshwereng e e kana ka R13000.00. Ba bangwe ba baagi ba ntshitse di R100 go thusa ka beili. Go tlhopilwe komiti ya beili.

1 comment:

  1. bothata ba rona basha ba morafe wa bafokeng ke gore we always have someone to blaim and re solofela gore kgosi a re direle sengwe le sengwe e be a feleletse a re batlele le ditiro...kante goreng bana bao ba luka ba ne ba sa ye dikolong ba tle ba rutege tle tle impala e ba hire...mofokeng tlogela go nna mo tlase ga setlhare o batle tiro re phalwa ke barolong ba tla mo phokeng ba a dira e be ba re tseele le dintlo

    ReplyDelete